Tswana 1992 Bible - 28 verses
1Ruri Modimo o molemo go Iseraele, e bong go ba ba itshekileng mo pelong.
2Ka ga me, dinao tsa me di batlile go ya, dikgato tsa me tsa batla go relela.
3Gonne e rile ke bona letlhogonolo la baitelaganyi ka nna pelotshetlha ka ga bone baikepi.
4Gonne ga go na dipitlagano mo losong lwa bone; mme thata ya bone e nitame fela.
5Ga ba mo tlalelong jaaka batho ba bangwe; le gone ga ba tshwenyege jaaka batho ba bangwe.
6Ke gone ka mo boikgodiso bo ba rarileng jaaka dibaga mo thamong; go thubaka go ba apesitse jaaka kobo.
7Matlho a bone a rotologile ka monono; ba na le mo go fetang keletso ya pelo.
8Ba a sotla mme ba bue patiko ba le mo bosuleng; ba bue ka boikgantsho.
9Ba nyunyubetsa magodimo; loleme lwa bone lo ralale lefatshe.
10Ke gone ka moo batho ba ga gabo ba tleng ba boele fa; mme metsi a senwelo se se tletseng a gopiwe ke bone.
11Mme ba re: “Modimo o itse jang? A go na le kitso mo go Mogodimodimo?”
12Bona, bao ke bone baikepi; e re ka ba ntse ba le mo boiketlong ka metlha yotlhe, boo ba totelwa ke dikhumo.
13Ruri ke ntlafaleditse pelo ya me lefela, ka ba ka tlhapa diatla tsa me mo go se nang molato;
14gonne ke ntse ke tshwenyega ka letsatsi lotlhe, ka otlhaiwa ka meso yotlhe.
15Fa nkabo ke rile: “Ke tlaa bua jalo;” bona, nka bo ke diretse bana ba losika lwa gago ka boferefere.
16E rile ke akanya gore goo mo nka go itse jang, ga nna tapiso e e botlhoko mo go nna;
17ka tla ka tsamaya ka tsena mo felong ga boitshepo ga Modimo, mme ka akanya bofelelo jwa bone.
18Ruri o ba baya mo mareleding; o ba digela mo tshenyegong.
19Ana ba kile ba senyega jang ka ponyo ya leitlho fela! Ba jegetse ruri ka ditherego.
20Jaaka toro fa motho a kubuga; le wena Morena, fa o kubuga, o tlaa nyatsa setshwano sa bone jalo.
21Gonne pelo ya me e ne e le botlhoko, mme ka tlhajwatlhajwa mo diphilong tsa me;
22ka bo ke le popego ya sefolofolo fela mo go ntseng jaana, ke se na kitso; ka nna jaaka phologolo fela fa pele ga gago.
23Le fa go ntse jalo ke ntse ke na nao ka metlha yotlhe; o ntse o tshwere seatla sa me se segolo.
24O tlaa nketelela pele ka kgakololo ya gago, morago o tlaa nkamogela mo kgalalelong.
25Ke na le mang kwa legodimong fa e se wena? Le mo lefatsheng ga go na ope yo ke mo eletsang fa e se wena.
26Nama ya me e a fela, le pelo ya me; Modimo ke thata ya pelo ya me, le kabelo ya me ka bosakhutleng.
27Gonne, bona ba ba leng kgakala nao ba tlaa nyelela; o sentse botlhe ba ba go tlogelang ba ya boakeng.
28Mo go nna go molemo go atamela Modimo; ke dirile Morena Modimo botshabelo jwa me, gore ke tle ke bolele ka ga ditiro tsa gago tsotlhe fela.