Tswana 1992 Bible - 13 verses
1Ao Modimo, ba ditšhaba ba tsile mo bosweng jwa gago; ba tsentse tempele ya gago e e itshepileng leswe; ba beile Jerusalema diphikwephikwe fela.
2Ditoto tsa batlhanka ba gago ba di dirile dijo tsa dinonyane tsa loapi; nama ya baitshepi ba gago ba e neile dibatana tsa lefatshe.
3Madi a bone ba a tsholotse jaaka metsi mo ntlheng tsotlhe tsa Jerusalema; mme go ne go se na ope yo o ba fitlhang.
4Re ntse sekgobo fela mo go bagarona; re lesotlo le setshego mo go ba ba ntlheng tsotlhe tsa rona.
5E tlaa nna lobaka lo lo kaye, Jehofa? A o tlaa nna bogale ka bosakhutleng? A lefufa la gago le tlaa nna le tuka jaaka molelo fela?
6Gorometsa bogale jo bogolo jwa gago mo go baditšhaba ba ba sa go itseng, le mo magosing a a sa bitseng leina la gago.
7Gonne ba jele ba laila Jakobe, ba bile ba beile boago jwa gagwe kgakgabalo fela.
8O se ka wa gakologelwa maikepo a borraetsho ba bogologolo go re sekisa ka one; a mapelonomi a gago a manana a re tlele pele ka bonako; gonne re ile kwa tlase thata.
9Re thuse Modimo wa poloko ya rona ka ntlha ya kgalalelo ya leina la gago, o re golole; tlhatswa o tlose dibe tsa rona, ka ntlha ya leina la gago.
10Ana baditÅ¡haba ba tlaa bo ba buelang ba re: âModimo wa bone o kae?â A tefiso ya madi a a tsholotsweng a batlhanka ba gago e itsiwe mo go baditÅ¡haba, mo ponong ya rona.
11A go fegelwa ga mogolegwi go fitlhe koo fa pele ga gago; ka fa bogolong jwa thata ya gago a ko o boloke ba ba laoletsweng go swa;
12ba re bapileng nabo o ba neye mo dihubeng tsa bone gasupa, kgobo ya bone e ba go kgobileng ka yone, Morena.
13Jalo rona batho ba re leng ba gago, re leng dinku tsa bofulo jwa gago, re tlaa go ntshetsa malebogo ka bosenabokhutlo; pako ya gago re tlaa e bonaletsa pele mo tshikatshikeng tsotlhe.