Tswana 1992 Bible - 19 verses
1A ko o beye tsebe, wena Modisa wa Iseraele; wena yo o gogang Josefe jaaka letsomane; wena yo o dutseng mo ditลกherubeng, betlamela kwa ntle.
2Fa pele ga Eferaime, le Benjamine, le Manase, tsosa nonofo ya gago, mme o tle go re boloka.
3Re buse gape, Modimo o phatsimise sefatlhogo sa gago, mme re tlaa bolokwa.
4Jehofa, Modimo wa masomosomo, o tlaa nna o galefela morapelo wa batho ba gago ka lobaka lo lo kae?
5O ba jesitse bogobe jwa dikeledi, o ba nositse dikeledi mo gogolo thata.
6O re dira kgang mo go bagarona; mme baba ba rona ba a tshega.
7Baa o re buse gape, Modimo wa masomosomo; o bo o phatsimise sefatlhogo sa gago, mme re tlaa bolokwa.
8O ne wa lere mofine wa tswa Egepeto, wa leleka merafe, wa o tlhoma.
9Wa baakanya bonno fa pele ga one, mme wa melela kwa teng thata, wa ba wa tlala ka lefatshe.
10Dithaba tsa khurumediwa ke moriti wa one, le dikala tsa one tsa nna jaaka masetara a Modimo.
11Wa ntshetsa dikala tsa one kwa lewatleng, le matswela a one kwa Nokeng.
12Ana o rutletseng dikgora tsa one, jalo botlhe ba ba fetang ka tsela ba bile ba o hula?
13Kolobe ya sekgwa e a o soboloka, le diphologolo tsa naga di o hula fela.
14Re a go rapela Modimo wa masomosomo, baa o bowe; okomela o le kwa legodimong o bone, mme o lekole mofine o,
15le thito e seatla sa gago se segolo se e tlhomileng, le kala e o e ithatafaleditseng.
16O fisitswe ka molelo, o remilwe; ba nyelela ka kgalemo ya sefatlhogo sa gago.
17A seatla sa gago se nne mo monneng wa letsogo la gago le legolo, mo go morwa motho yo o mo ithatafaleditseng.
18Jalo ga re ketla re go hularela; re rudise, mme re tlaa bitsa leina la gago.
19Baa o re buse, Jehofa, Modimo wa masomosomo; phatsimisa sefatlhogo sa gago, mme re tlaa bolokwa.