Tswana 1992 Bible - 16 verses
1Opelelang Modimo, thata ya rona, ka mantswe a a tsholetsegileng; dudueletsang Modimo wa ga Jakobe ka boitumelo.
2Tlhabeletsang pesalema, lereng kwano moropana, harepe e e natefang le saletare.
3A go lediweng lonaka mo thogong ya kgwedi, fa kgwedi e le tshweu, mo letsatsing la modiro wa rona o o masisi.
4Gonne ke tao mo go Iseraele, ke mo go laotsweng ke Modimo wa ga Jakobe.
5O go tlhomile mo go Josefe go nna tshupo, jale ka a ralala lefatshe la Egepeto, kwa ke utlwileng puo gone, e ke neng ke sa e itse.
6βKa tlosa lerudi la gagwe mo morwalong; diatla tsa gagwe tsa gololwa mo serotong.
7E rile o le mo tlalelong wa bitsa, mme ka go golola; ka go araba mo felong ga boiphitlhelo ga tumo ya maru; ka go leka fa metsing a Meriba. Sela.
8βA ko o utlwe, tΕ‘haba ya me, mme ke tlaa go supetsa; wena Iseraele, fa o ka bo o ne o ka ntheetsa!
9A go se nne modimo ope wa seeng mo go wena; le gone o se ka wa obamela modimo ope wa seeng.
10Ke nna Jehofa, Modimo wa gago, yo ke go tlhatlositseng mo lefatsheng la Egepeto; atlhamolosa legano la gago, mme ke tlaa le tlatsa.
11βMme batho ba me ga ba a ka ba reetsa lentswe la me; Iseraele ga a ka a nthaya sepe.
12Jalo ka ba lesa ba latela kgwalalo ya pelo tsa bone, gore ba tle ba tsamaye mo dikgakololong tsa bone fela.
13Ao, a bo batho ba me ba ka bo ba ntheetsa, Iseraele le ene o kabo a tsamaya mo ditseleng tsa me!
14Ke ne ke tlaa akofa ke fenya baba ba bone, ke phetsolela letsogo la me kwa baganetsing ba bone.
15Baidi ba ga Jehofa ba ne ba tlaa ineela mo go ene; mme lobaka lwa bone lo ne lo tlaa nna ka bosakhutleng.
16Le gone o ne a tlaa ba jesa mabele a mantlentle bogolo; ke ne ke tlaa go kgorisa ka dinotshe tse di tswang mo lefikeng.β