Tswana 1992 Bible - 8 verses
1Modimo o eme mo phuthegong ya ona Modimo; o atlhola fa gare ga medimo.
2“Lo tlaa atlhola ka go sa siamang ka lobaka lo lo kaye, lo tlotla sebele sa baikepi? Sela.
3Atlholelang bahumanegi le masiela; direlang ba ba patikwang le batlhoki tshiamo.
4Falodisang bahumanegi le batlhoki; ba gololeng mo seatleng sa baikepi.
5Ga ba itse, le gone ga ba tlhaloganye; ba kgarakgatshega mo lefifing; metheo yotlhe ya lefatshe e a tshikinyega.
6Ke rile: ‘Lo medimo, lotlhe lo bomorwa Mogodimodimo.’
7Le fa go ntse jalo lo tlaa swa jaaka batho fela, lo tlaa wa jaaka nngwe ya dikgosana.”
8Tloga o eme Modimo, o atlhole lefatshe; gonne o tlaa rua merafe yotlhe fela.