Tswana 1992 Bible - 18 verses
1Modimo, o se ka wa didimala fela; o se ka wa ikitsa go bua; se nne fela, Modimo.
2Gonne bona, baba ba gago ba dira pheretlho; le ba ba go tlhoileng ba tsholeditse tlhogo.
3Ba logela batho ba gago kgakololano ya boferefere; ba gakololanela ba gago ba ba subegileng.
4Ba rile: “Tlang, a re ba kgaoleng go tlhola e le morafe; gore leina la Iseraele le se tlhole le gopolwa gope.”
5Gonne ba gakololanye ka tumalano e le nngwe fela; e le wena yo ba go golaganelang;
6megope ya Etome, ya Baišemaele; Moabe le Bahagare;
7Gebale, Amone le Amaleke; Filisitia o na le banni ba Ture;
8Asiria le ene o ikopantse nabo; ba thusitse bana ba ga Lote. Sela.
9Ba direle jaaka o diretse Midiane; le jaaka Sisere, le jaaka Jabine, fa nokeng ya Kišone;
10ba ba nyeletseng kwa Entore; ba ba ba nna jaaka letshotelo la tshimo.
11Dira bagolwane ba bone gore ba nne jaaka Orebe le Seebe; ee, dikgosana tsotlhe tsa bone di nne jaaka Seba le Salemuna;
12ba ba kileng ba re: “A re itseeleng maago a Modimo go a rua.”
13Modimo wa me, ba dire gore ba nne jaaka lorole lo lo sokeletsegang; jaaka phofedi fa pele ga phefo.
14Jaaka molelo o o lakailang sekgwa, le jaaka kgabo ya molelo e e tshubelang dithaba;
15ba khukhele jalo ka ledimo le legolo la gago le le boitshegang; o ba boifise ka matsubutsubu a gago.
16A difatlhogo tsa bone di tladiwe tshosobagano; gore ba tle ba batle leina la gago, Jehofa.
17A ba tlhajwe ke ditlhong, ba tseanngwe ka bosakhutleng; ee, ba swabisiwe ba nyelele;
18gore ba tle ba itse fa wena wesi; yo leina la gago e leng Jehofa, o le Mogodimodimo, o okame lefatshe lotlhe.