Tswana 1992 Bible - 12 verses
1Ana metlaagana ya gago e mentlentle jang, wena Jehofa wa masomosomo!
2Mowa wa me o tlhologeletswe, ee, o idibalela fela malwapa a ga Jehofa; pelo ya me le nama ya me di kurueletsa Modimo o o tshedileng.
3Ee, thaga e iponetse ntlo, le peolwane setlhaga, fa e ka bayang mamphorwana a yone gone, e bong dibeso tsa gago, Jehofa wa masomosomo, Kgosi ya me, le Modimo wa me.
4Go sego ba ba agileng mo ntlong ya gago; ba tlaa fela ba ntse ba go baka. Sela.
5Go sego motho yo thata ya gagwe e leng mo go wena; yo ditsela tse di yang Sione di leng mo pelong ya gagwe.
6Ba e reng ba ralala mokgatΕ‘ha wa Maselelo, ba o phunye metswedi; ee, pula ya sephai e o khurumetse ka masego.
7Ba etla ba tlhomagantse thata le thata; mongwe le mongwe wa bone o ya go bonala fa pele ga Modimo mo Sione.
8Jehofa Modimo wa masomosomo, a ko o utlwe morapelo wa me; baya tsebe Modimo wa ga Jakobe. Sela.
9Bona, Modimo thebe ya rona, mme o lebe sefatlhogo sa motlodiwa wa gago.
10Gonne letsatsi le le lengwe fela mo malwapeng a gago, le gaisa malatsi a a makgolo a le some. Ke rata ka nna molebedi wa kgoro mo ntlong ya Modimo bogolo go go aga mo megopeng ya boikepo.
11Gonne Jehofa Modimo ke letsatsi le thebe; o tlaa aba tshegofatso le kgalalelo; ga go na sepe se se molemo se o tlaa ganang ka sone mo go ba ba tsamayang ka thokgamo.
12Jehofa wa masomosomo, go sego motho yo o ikantseng mo go wena.