Tswana 1992 Bible - 13 verses
1Jehofa, o ngokile lefatshe la gago; o busitse botshwaro jwa ga Jakobe.
2O itshwaretse boikepo jwa batho ba gago, o bipile boleo jotlhe jwa bone. Sela.
3O tlositse kgalefo yotlhe ya gago; o itshokolotse mo go tukeng ga bogale jwa gago.
4Re sokologele, Modimo wa poloko ya rona; o khutlise kgakatsego ya gago mo go rona.
5A o tlaa nna bogale le rona ka bosakhutleng? A o tlaa gololela bogale jwa gago kwa tshikatshikeng?
6A ga o nka o re rudisa gape, gore batho ba gago ba itumele mo go wena?
7A ko o re supetse boutlwelobotlhoko jwa gago Jehofa, o re abele poloka ya gago.
8Ke tlaa utlwa se Modimo, Jehofa, o tlaa se buang, gonne o tlaa bua kagiso le batho ba one, le baitshepi ba one; mme a ba se boele gape mo boeleeleng.
9Ruri, poloka ya one e gaufi le ba ba o boifang; e le gore kgalalelo e age mo lefatsheng la rona.
10Boutlwelobotlhoko bo kopanye le boammaaruri; tshiamo e atlanye le kagiso.
11Boammaaruri bo tswetswena mo lefatsheng; tshiamo le yone e okame e le kwa legodimong.
12Ee, Jehofa o tlaa aba se se molemo; le lefatshe la rona le tlaa ntsha totafalo ya lone.
13Tshiamo e tlaa mo etelela pele; mme e tlaa direla dikgato tsa gagwe tsela ya go tsamaya mo go yone.