Tswana 1992 Bible - 17 verses
1Sekega tsebe ya gago, Jehofa, mme o nkarabe, gonne ke humanegile, ke a tlhoka.
2Dibela mowa wa me, gonne ke moetsa Modimo; wena Modimo wa me, boloka motlhanka wa gago yo o go ikantseng.
3Nkutlwela botlhoko Morena, gonne ke tlhola ke biletsa kwa go wena letsatsi lotlhe fela.
4Itumedise mowa wa motlhanka wa gago; gonne ke tsholeletsa mowa wa me koo go wena Morena.
5Gonne wena, Morena, o molemo, o iketleeditse go itshwarela; o bile o letlotlo la boutlwelobotlhoko mo go botlhe ba ba go bitsang.
6Jehofa, beela morapelo wa me tsebe; o bo o reetse lentswe la mekokotlelo ya me.
7Ke tlaa re mo letsatsing la tlalelo ya me ke go bitse, gonne o tlaa nkaraba.
8Morena, ga go na ope yo o tshwanang nao mo medimong, le gone ga go na ditiro dipe tse di tshwanang le ditiro tsa gago.
9Merafe yotlhe e o e dirileng e tlaa tla e obama fa pele ga gago; e tlaa galaletsa leina la gago;
10gonne o mogolo, mme o dira ditiro tse di gakgamatsang; o Modimo o o osi.
11Nthuta tsela ya gago, Jehofa; ke tlaa tsamaya mo boammaaruring jwa gago; kitlanya pelo ya me e tle e boife leina la gago.
12Ke tlaa go baka Morena Modimo wa me, ka pelo ya me yotlhe fela; ke tla galaletsa leina la gago ka bosenabokhutlo.
13Gonne boutlwelobotlhoko jwa gago bo bogolo kwa go nna; mme o swatotse mowa wa me mo moleteng o o kwa tengteng.
14Modimo, bapelompe ba ntsogologetse; le phuthego ya banna ba ba thubakang e tsomile mowa wa me; ga ba a go baya fa pele ga bone.
15Mme wena Morena, o Modimo, o o tletseng pelotlhomogi, o pelotshweu, o bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelobotlhoko le boammaaruri.
16A ko o sokologele kwa go nna, o nkutlwele botlhoko; thata ya gago o e neye motlhanka wa gago, mme o boloke morwa lelata la gago.
17Mpontsha sesupo se se kayang molemo, gore ba ba nkilang ba se bone, ba tlhajwe ke ditlhong, gonne wena, Jehofa, o nthusitse, o bile o nkgomoditse.