Tswana 1992 Bible - 7 verses
1Motheo wa gagwe o mo dithabeng tse di boitshepo.
2Jehofa o rata dikgoro tsa Sione bogolo go maago a ga Jakobe otlhe fela.
3Dilo tse di galalelang di buiwa ka ga gago, wena motse wa Modimo. Sela.
4Ke tlaa nna ke umaka Rahabe, le Babilone fa ba le mo go bone ba ba nkitseng; bona Filisitia, le Ture, ba na le Ethiopia: “Ene yo o tsaletswe gone.”
5Ee, ka ga Sione go tlaa twe: “Yo le yole ba tsaletswe mo go ene;” mme Mogodimodimo ka esi o tlaa mo tlhomamisa.
6Jehofa o tlaa re a kwala ditšhaba, a bale a re: “Ene yo, o tsaletswe gone.” Sela.
7Ba ba opelang, le ba ba binang ba tlaa re: “Metswedi ya me yotlhe e mo go wena.”