Tswana 1992 Bible - 11 verses
1A ko lo tleng re opeleleng Jehofa; a re tsheleleng lefika la poloko ya rona leΕ‘oa la boitumelo.
2A re ke re tleng fa pele ga sefatlhogo sa gagwe ka tebogo; a re mo tsheleleng leΕ‘oa la boitumelo ka dipesalema.
3Gonne Jehofa ke Modimo o Mogolo, le Kgosi e kgolo godimo ga medimo yotlhe.
4Mo seatleng sa gagwe go mafelo a a boteng a lefatshe; ditlhora tsa dithaba, le tsone, ke tsa gagwe.
5Lewatle ke la gagwe, o le dirile; diatla tsa gagwe di bopile lefatshe la komelelo.
6A ko lo tleng, re obame, re iname; a re khubameng fa pele ga Jehofa mmopi wa rona:
7gonne ke ene Modimo wa rona, mme rona re batho ba bofulo jwa one, le dinku tsa seatla sa one. A bo gompieno lo ka ka lwa utlwa lentswe la one!
8Se thatafatseng pelo tsa lona, jaaka kwa Meriba, jaaka mo tsatsing la Masa kwa nageng,
9jale ka borraeno ba nteka, ba ntlhotlhomisa, mme ba bona tiro ya me.
10Ka hutsafadiwa ke losika loo ka lobaka lwa dinyaga di le masome mane, ka ba ka re: βA bo e le batho ba ba timelang mo pelong ya bone, mme ga ba a ka ba itse ditsela tsa me.β
11Mme ke gone ka mo ka ikana mo kgalefong ya me, ka re: βGa ba ketla ba tsena mo boikhutsong jwa me.β