Tswana 1992 Bible - 13 verses
1A ko lo opeleleng Jehofa sefela se seša; lefatshe lotlhe, opelelang Jehofa.
2Opelelang Jehofa, bakang leina la gagwe; bolelelang poloka ya gagwe pele ka go tlhomaganya malatsi.
3Kakanyang kgalalelo ya gagwe mo gare ga merafe; ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo gare ga ditšhaba tsotlhe.
4Gonne Jehofa o mogolo, mme o na le go bakwa segolo; o na le go boifiwa bogolo go medimo yotlhe.
5Gonne medimo yotlhe ya ditšhaba ke dilo fela; mme ene Jehofa o dirile magodimo.
6Tlotlo e fa pele ga gagwe le borena; thata e mo felong ga gagwe ga boitshepo, le bontle.
7Ntshetsang Jehofa, lona ditshika tsa ditšhaba; nayang Jehofa kgalalelo le thata.
8Nayang Jehofa kgalalelo e e tshwanetseng leina la gagwe; tlisang tshupelo, mme lo tle mo malwapeng a gagwe.
9A ko lo obameleng Jehofa mo bontleng jwa boitshepo; a lefatshe lotlhe le rorome fa pele ga gagwe.
10Buang mo merafeng, lo re: âJehofa o a busa; lobopo le lone lo nitame, ga lo kake lwa tshikinngwa; o tlaa atlhola ditÅ¡haba ka tekatekanyo.â
11A magodimo a itumele, a lefatshe le ipele, a lewatle le sume, le bojotlhe jwa lone.
12A naga e kgane ka boitumelo, le tsotlhe tse di mo go yone; ke gone ditlhare tsotlhe tsa sekgwa di tlaa opelang ka boitumelo,
13fa pele ga Jehofa, gonne o etla; gonne o tla go atlhola lefatshe; o tlaa atlhola lobopo ka tshiamo, le ditšhaba ka boammaaruri jwa gagwe.