Tswana 1992 Bible - 12 verses
1Jehofa o a busa; a lefatshe le ipele; a ditlhake tse dintsi di itumele.
2Maru a mo dikanyeditse le lefifi; tshiamo le katlholo ke motheo wa setulo sa gagwe sa bogosi.
3Molelo o tsamaya fa pele ga gagwe, mme o fisetsa ruri baba ba gagwe mo tikologong.
4Dikgadima tsa gagwe tsa bonesa lobopo; lefatshe la bona la roroma.
5Dithabana tsa nyerologa jaaka makgaga a dinotshe ka sebonalo sa ga Jehofa, ka sefatlhogo sa Morena wa lefatshe lotlhe.
6Magodimo a kakanya tshiamo ya gagwe, le ditΕ‘haba tsotlhe di bonye kgalalelo ya gagwe.
7A go tlhajwe ke ditlhong bone botlhe ba ba direlang ditshwantsho tse di setilweng, ba ba ipelafatsang ka medimo ya disetwa; obamelang ene, lona medimo yotlhe.
8Sione a utlwa, mme a itumela, le bomorwadia Juta ba ipela; ka ntlha ya dikatlholo tsa gago, Jehofa.
9Gonne, wena, Jehofa, O mogodimo o mogolo, godimo ga lefatshe lotlhe; o goleleditswe kgakala godimo ga medimo yotlhe.
10Lona ba lo ratang Jehofa, a ko lo ileng bosula; o tlamela mewa ya baitshepi ba gagwe; o ba golola mo seatleng sa baikepi.
11Lesedi le jaletswe basiami; boipelo le jone bo jaletswe ba ba thokgameng mo pelong.
12Ipeleng mo go Jehofa lona basiami; lo ntshetse leina la gagwe le le boitshepo malebogo.