Tswana 1992 Bible - 9 verses
1A ko lo opeleleng Jehofa sefela se seša; gonne o dirile dilo tse di gakgamatsang; seatla sa gagwe se segolo se mo diretse poloka le lone letsogo la gagwe le le boitshepo.
2Jehofa o itsisitse batho poloka ya gagwe; tshiamo ya gagwe o e bonaditse ka tshenolo mo matlhong a merafe.
3O gakologetswe boutlwelobotlhoko jwa gagwe, le boikanngo jwa gagwe ka ga ntlo ya Iseraele; dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di bonye poloka ya Modimo wa rona.
4Tshelela Jehofa lešoa la boitumelo, wena lefatshe lotlhe; ponyegang lo opele ka boitumelo; ee, opelang dipako.
5Opelelang Jehofa dipako ka harepe; ka harepe le ka lentswe la kopelo.
6Ka dinaka le ka modumo wa diphala, lo tsheleng lešoa la boitumelo fa pele ga Kgosi Jehofa.
7A lewatle le sume, le bojotlhe jwa lone; lefatshe le ba ba agileng mo go lone;
8a merwalela e opaope diatla tsa yone; a dithabana di opele mmogo ka boitumelo;
9fa pele ga Jehofa gonne o tla go atlhola lefatshe; o tlaa atlhola lobopo ka tshiamo le ditšhaba ka tekatekanyo.