Tswana 1992 Bible - 31 verses
1Gomotsang, gomotsang batho ba me, go bua Modimo wa lona.
2Lo bue ka kgomotso le Jerusalema, mme lo mo kuele go re, tlhabang ya gagwe e sweditswe, le go re, boikepo jwa gagwe bo itshwaretswe; le go re, o amogetse mo seatleng sa ga Jehofa sebedi ka ga maleo otlhe a gagwe.
3Lentswe la mongwe yo o goang, a re: “Baakanyang tsela ya ga Jehofa mo nageng, lo siamisetse Modimo wa rona tsela ya mheru mo sekakeng.
4Mogogoro mongwe le mongwe o tlaa katesegela, le thaba nngwe le nngwe, le lekhubu, di tlaa kokobediwa; fa go sokameng go tlaa lolamisiwa, le mafelo a a magwata a tlaa papanwa;
5le kgalalelo ya ga Jehofa e tlaa senolwa, nama yotlhe e tlaa e bona mmogo; gonne molomo wa ga Jehofa o se buile.”
6Lentswe la mongwe la re: “Goa.” Mme mongwe a re: “Ke tlaa goang?” Nama yotlhe ke bojang; le bontle jotlhe jwa yone bo ntse jaaka sethunya sa naga.
7Bojang bo tle bo omelele, sethunya se swabe, ka go bo di fokwa ke mowa wa ga Jehofa; ruri batho ke bojang.
8Bojang bo tle bo omelele, sethunya se swabe; mme lefoko la Modimo wa rona le tlaa ema ka bosakhutleng.
9Wena yo o bolelelang Sione mafoko a a molemo, palama mo thabeng e e godileng; wena yo o bolelelang Jerusalema mafoko a a molemo, tsholetsa lentswe la gago ka thata; le tsholetse, o se ka wa boifa; raya metse ya Juta, o re: “Bonang, Modimo wa lona!”
10Bonang, Morena Modimo o tlaa tla jaaka mothata, mme letsogo la gagwe le tlaa mmusetsa; bonang, tuelo ya gagwe o na nayo, le tefetso ya gagwe e fa pele ga gagwe.
11O tlaa fudisa letsomane la gagwe jaaka modisa; o tlaa phuthela dikwanyana mo letsogong la gagwe, a di gara mo sehubeng sa gagwe, tse di amusang o tlaa di tsamaisa ka pepetletso.
12E mang yo o lekantseng metsi mo khuting ya seatla sa gagwe, a lekanya legodimo ka go paralatsa menwana ya gagwe, a tlhaloganya lorole lwa lefatshe ka seelo, a lekanya bokete jwa dithaba mo tekanyetsong, le jwa makhubu mo selekanyong se se pegang?
13E mang yo o kaetseng mowa wa ga Jehofa, gongwe a mo ruta e le mogakolodi wa gagwe?
14O ne a gakololana le mang, mme ke mang yo o mo kaetseng, a mo ruta tsela ya katlholo, a mo ruta kitso, a mo supetsa tsela ya tlhaloganyo?
15Bonang, merafe e ntse jaaka lerothodi la nkgwana fela; e kaiwa jaaka lorojanyana lo lo mo selekanyong se se pegang; bonang, o tsholetsa ditlhake jaaka selonyana se sennye fela.
16Lebanone ga o a lekana molelo, le ditshedi tsa gone ga di a lekana go nna tshupelo ya phiso.
17Merafe yotlhe fela e ntse jaaka e seng sepe fa pele ga gagwe; e kaiwa ke ene go re ke mo go seng sepe, e le lefela fela.
18Foo lo a bo lo ka tshwantsha Modimo le mang? Gongwe setshwantsho ke sefe se lo tlaa bong lo se tshwantsha le one?
19Setshwantsho se se setilweng, aitse modiri o kile a se tlhapolosa; mothudi wa gouta a se manega gouta, a se tshelela bompolokwane ba selefera.
20Ene yo o humanegileng mo gogolo, mme a paletswe ke seromololo se se ntseng jalo, o itshenkela setlhare se se se ketlang se bola; a itshenkele modiri yo setswerere go tla a baakanya setshwantsho se se setilweng, se se se ketlang se reketla.
21A ga lo ise lo ko lo itse? A ga lo ise lo ko lo utlwe? A ga lo a go bolelelwa le mo tshimologong? A ga lo a tlhaloganya e sa le ka go thaiwa ga lefatshe?
22Ke ene yo o dutseng mo go okameng lefatshe, mme banni ba lone ba ntse jaaka ditsiakgope fela; yo o phuthololang magodimo jaaka sesiro, a a tsharolole jaaka mogope o o nnwang.
23Yo o dirang dikgosana bosengsepe; a dire baatlhodi ba lefatshe go nna jaaka lefela fela.
24Ee, ga ba a tlhongwa; ee, ga ba a jalwa; ee, dithito tsa bone ga di a namela mo mmung; gape a ba fokele, mme ba swabe, sefefo se ba gogole jaaka dirite.
25Foo lo a bo lo ka ntshwantsha le mang fa ke ka lekana nae? Go bua Moitshepi.
26Kalelang matlho a lona godimo, lo bone yo o tlhodileng dilo tse, yo o bolotsang lesomosomo la tsone ka palo; o di bitsa tsotlhe ka maina; ke ka bogolo jwa nonofo ya gagwe, le ka go bo a nonofile mo thateng, fa go se sepe se se tlhokafalang.
27Jakobe, wa reng? O buelang Iseraele o re: “Tsela ya me e fitlhegetse Jehofa, le katlholo ya me e fetile mo Modimong wa me”?
28A ga o ise o itse? A ga o ise o utlwe? Modimo o o sa khutleng, Jehofa Motlhodi wa dikhutlo tsa lefatshe, ga a idibale, ga a lape; tlhaloganyo ya gagwe ga e na go tlhotlhomisiwa gope.
29O naya baidibadi thata; le ene yo o se nang thata o mo totisetse nonofo.
30Ba e leng makau ba tlaa idibala ba lapa, le makolwane a tlaa phuaganela ruri;
31mme ba ba lebelelang mo go Jehofa ba tlaa šafatsa thata ya bone; ba tlaa tlhatloga ka diphuka jaaka bontswi ba batona; ba tlaa siana ba sa lape; ba tlaa tsamaya ka dinao, ba sa idibale.