Tswana 1992 Bible - 29 verses
1Lo nne lo didimale fa pele ga me, lona ditlhake; a ditšhaba di šafatse thata ya bone; a di atamele; foo a di bue; a re atamalaneng re tle tshekong.
2E mang yo o tswang go tsosa mongwe kwa botlhabatsatsi, yo o mmiletsang fa lonaong lwa gagwe mo tshiamong? A aba merafe fa pele ga gagwe, a mo laodisa dikgosi; a di abela tšhaka ya gagwe jaaka lorole, a di abela bora jwa gagwe jaaka dirite tse di gogolwang.
3O a di konatelela mme a fete sentle fela, le ka tsela e o ne a ise a ke a tsamaye ka yone ka dinao tsa gagwe.
4E mang yo o go dirileng a go swetsa, a bitsa ditshika tsa batho le go tswa tshimologong? Ke nna Jehofa, wa ntlha, e bile ke nna le wa bofelo, ke nna ene.
5Ditlhake tsa bona, mme tsa boifa; dikhutlo tsa lefatshe tsa roroma, tsa atamela, tsa tla.
6Ba ne ba thusanya, mongwe le mongwe le wa ga gabo; mongwe le mongwe a raya ngwana wa ga rraagwe a re: “O nametsege.”
7Jalo mmetli wa dikgong a nametsa mothudi wa gouta, yo o rethefatsang ka notwana, a nametsa yo o batolang mo lentswetshiping, a bua ka ga go tshwaranya ka selomaganyi, a re: “Go molemo;” mme a se kokothela ka dimapo, gore se se tshikinyege.
8Mme wena Iseraele, motlhanka wa me, Jakobe yo ke go ipatletseng, losika lwa ga Aberahame tsala ya me;
9wena yo ke tswang go go tsaya kwa dikhutlong tsa lefatshe, ka go bitsa go tswa dikgokgotsong tsa lone, ka go raya ka re: “O motlhanka wa me, ke go ipatletse, ga ke a go latlha.”
10O se ka wa boifa, gonne ke nna nao; o se ka wa kgaoga pelo, gonne ke Modimo wa gago; ke tlaa go thatafatsa; Ee, ke tlaa go thusa; ee, ke tlaa go tshegetsa ka seatla se se siameng sa tshiamo ya me.
11Bona, botlhe ba ba go gakaletseng ba tlaa tlhajwa ke ditlhong ba sosobaganngwa; ba ba lwang nao ba tlaa nna jaaka bosengsepe, mme ba tlaa nyelela.
12O tlaa ba batla, mme ga o ketla o ba bona, e bong ba ba ganelang nao; ba ba tlhabanang nao ba tlaa nna jaaka bosengsepe, le jaaka selo sa lefela fela.
13Gonne nna, Jehofa Modimo wa gago, ke tlaa tshwara seatla sa gago se se siameng, ke go raya ke re: “Se boife; ke tlaa go thusa.”
14O se ka wa boifa, wena seboko Jakobe, le lona banna ba Iseraele; ke tlaa go thusa, go bua Jehofa, mme Morekolodi wa gago ke Moitshepi wa Iseraele.
15Bona, ke tlaa go direla sephotho se seša se se bogale, se se nang le meno: o tlaa photha dithaba, o di gaila, di nna masesane; makhubu o tlaa a etsa mmoko fela.
16O tlaa a olosa, mme phefo e tlaa a kgophola, le setsuatsue se tlaa a phatlalatsa; wena o tlaa itumela mo go Jehofa, o kgana ka Moitshepi wa Iseraele.
17Bahumanegi le batlhoki ba batla metsi, mme ga go na ape, loleme lwa bone lo phaphaladitswe ke lenyora. Nna Jehofa ke tlaa ba araba, nna Modimo wa Iseraele ga nketla ke ba latlha.
18Ke tlaa phunya dinoka mo dithoteng tse di leforotlho fela, le metswedi mo gare ga megogoro; le naga fela ke tlaa e sema mogobe wa metsi, le lefatshe le le omeletseng metlhodi ya metsi.
19Ke tlaa tlhoma mosetara mo nageng, le mosetlha, le mosilabele, le motlhware; ke tlaa tlhoma mo sekakeng setlhare sa mofira, le mopine, le sa mokuperese mmogo;
20gore ba tle ba bone, ba itse ba akanye, ba tlhaloganye mmogo fa seatla sa ga Jehofa se dirile go mo, le go re Moitshepi wa Iseraele o go tlhodile.
21Supang kgang ya lona, go bua Jehofa; ntshang mafoko a a thata, go bua kgosi ya ga Jakobe.
22A ba a ntshe, ba re kakanyetse se se tlaa dirafalang; kakanyang dilo tse di kileng tsa nna tsa pele go re ke dife, re tle re di akanye, re be re itse bofelelo jwa tsone; kgotsa lo re supetse dilo tse di tlaa tlang.
23Kakanyang dilo tse di tlaa namang di tla gore re tle re itse fa lo le medimo. Ee, dirang molemo gongwe lo dire bosula, gore re kobakobane, re go bone mmogo.
24Bonang, lo ba ba seng sepe, le tiro ya lona ke ya lefela fela; o maswe, ene yo o lo itshenkelang.
25Ke tsositse mongwe a tswa botsheka, mme o tsile; kwa botlhabatsatsi mongwe yo o bitsang leina la me; o tlaa tla mo balaoding jaaka mo seretseng, le jaaka mmopi a tle a gate letsopa.
26E mang yo o se kakantseng le mo tshimologong gore re ke re itse? Kgotsa mo go sa bolong, gore re ke re re: “O siame”? Ee, ga go ope yo o kakanyang; ee, ga go ope yo o supang; ee, ga go ope yo o utlwang mafoko a lona.
27Nna pele ke tlaa raya Sione, ke re: Bona, o ba lebe; mme ke tlaa naya Jerusalema mongwe yo o tlisang mafoko a a molemo.
28Mme e a tle e re fa ke leba go bo go se monna ope; le mo go bone tota ga go na mogakolodi ope, yo e ka reng fa ke ba botsa a ba a ka mphetola ka lefoko lepe.
29Bonang, bone botlhe fela ditiro tsa bone ke boithamako le bosengsepe fela; ditshwantsho tsa bone tse di tshetsweng ke phefo fela le madubadube fela.