Tswana 1992 Bible - 25 verses
1“Bonang motlhanka wa me, yo ke mo tshegeditseng; moitshenkedwi wa me yo mowa wa me o natefelwang mo go ene; ke beile mowa wa me mo go ene; o tlaa ntshetsa tshiamiso kwa merafeng.
2Ga a ketla a goa, le fa e le go tsholetsa lentswe la gagwe, le fa e le go le utlwatsa mo mmileng.
3Lotlhaka lo lo phitsegileng ga a ketla a lo roba, le lodi lo lo kukelang ga a ketla a lo tima; o tlaa ntsha tshiamiso mo boammaaruring.
4Ga a ketla a tlhaela le fa e le go lapa pelo go tsamaye a tlhome tshiamiso mo lefatsheng pele; mme ditlhake di tlaa lebelela molao wa gagwe.”
5Go bua jaana Modimo, Jehofa, ene yo o tlhodileng magodimo, a a phutholola; yo o ritibaditseng lefatshe le se se tlhogang mo go lone; yo o nayang batho ba ba mo go lone go hema, le ba ba tsamayang mo go lone mowa, a re:
6“Nna Jehofa ke go biditse mo tshiamong, ke tlaa tshwara seatla sa gago, ke go dibela; ke tlaa go ntsha, gore o nne kgolagano ya batho, o bo o nne lesedi la merafe;
7go budulola matlho a a foufetseng; go ntsha bagolegwi mo moleteng o o lefifi, le ba ba dutseng mo lefifing go ba ntsha mo ntlong ya kgolegelo.
8Ke nna Jehofa; ke lone leina la me; le kgalalelo ya me ga nketla ke e naya o sele, le fa e le pako ya me dithswantsho tse di setilweng.
9Bonang, dilo tsa pele di dirafetse, ke bile ke bolela dilo tse dintšha; ke di lo bolelela pele di e se di tswele kwa ntle.”
10Opelelang Jehofa sefela se seša, le pako ya gagwe go tswa bokhutlong jwa lefatshe; lona ba lo fologelang mo lewatleng, le tsotlhe tse di mo go lone; le ditlhake le banni ba tsone.
11A naga le metse ya teng e tsholetse mantswe a yone, metsana e Ketara o nnang mo go yone; a banni ba Sela ba opele, a ba kue ba le godimo ga dithaba.
12A ba neye Jehofa kgalalelo, ba bolele pako ya gagwe mo ditlhakeng.
13Jehofa o tlaa bolola jaaka monna wa seganka; o tlaa tsosa tlhotlheletso jaaka monna a ya dira; o tlaa goelela, ee, o tlaa goa ka thata; o tlaa dira ka nonofo mo babeng ba gagwe.
14“Ga ke bolo go nna ke didimetse fela; ke ntse ke tuuletse fela ke ikganetse; jaanong ke tlaa goela godimo jaaka mosadi yo o mo pelegong; ke tlaa sonela ke kolometsa go le gongwe fela.
15Ke tlaa kgakgabatsa dithaba le makhujana, ke omeletsa merogo yotlhe ya tsone; dinoka ke tlaa di dira ditlhake le megobe ke tlaa e kgadisa.
16Ke tlaa tsamaisa difofu ka tsela e di sa e itseng; ke tlaa di goga mo ditselaneng tse di sa di itseng; lefifi ke tlaa le sedifatsa fa pele ga bone, ke lolamisa mafelo a a kgopameng. Dilo tse ke tlaa di dira, mme ga nketla ke ba latlha.
17Ba ba ikanyang ditshwantsho tsa disetwa, ba raya ditshwantsho tse di thetsweng ba re: ‘Lo medimo ya rona.’ ba tlaa bosediwa morago, ba tlhajwa ke ditlhong ruri.”
18“Utlwang lona ba lo bosusu; lo lebe lona difofu gore lo bone.
19Go sefofu mang fa e se motlhanka wa me? Gongwe yo o bosusu e mang jaaka morongwa wa me yo ke mo romang? Go sefofu mang jaaka yo ke ntseng kagiso nae? Le sefofu jaaka motlhanka wa ga Jehofa?
20O bona dilo di le dintsi, mme ga o di tlhokomele; ditsebe tsa gagwe di kabologile, mme ga a utlwe.”
21Ga kgatlha Jehofa, ka ntlha ya tshiamo ya gagwe, go godisa molao le go o dira gore o nne tlotlego.
22Mme eno e, ke tšhaba e e gapetsweng, e e thopilweng; botlhe ba tshwerwe mo didukung, ba fitlhilwe mo matlong a dikgolegelo; ba ntse kgapo fela, mme go se na ope yo o gololang; ba ntse thopo fela, mme go se na ope yo o reng; “Ba rebolwe.”
23Go mang mo go lona yo o tlaa beelang golo mo tsebe? Yo o tlaa reetsang a utlwela lobaka lo lo tlaa tlang?
24E mang yo o neetseng Jakobe gore a nne thopo, a neela Iseraele dinokwane? A ga se Jehofa? Ene yo re mo leofetseng, yo ditsela tsa gagwe ba ganneng go tsamaya mo go tsone, le fa e le go utlwa molao wa gagwe.
25Ke gone ka mo o goromeditseng mo go ene tšhakgalo ya bogale jwa gagwe, le bokete jwa tlhabano; mme jwa mo tshuba mo tikologong; le fa go ntse jalo o ne a sa itse; mme jwa mo fisa, le fa go ntse jalo ga a ka a go baya mo pelong.