Tswana 1992 Bible - 28 verses
1Mme jaanong, go bua jaana Jehofa yo o go tlhodileng, wena Jakobe, ene yo o go bopileng, wena Iseraele; a re: “O se ka wa boifa, gonne ke go rekolotse; ke go biditse ka leina la gago, o wa me.
2E tlaa re o ralala metsi ke tlaa bo ke na nao; le o ralala dinoka ga di ketla di go penamela; mogang o ralalang molelo, ga o ketla o ša; le kgabo ga e ketla e tuka mo go wena.
3Gonne ke Jehofa Modimo wa gago, Moitshepi wa Iseraele, mmoloki wa gago; ke ntshitse Egepeto go nna serekololo sa gago, ka ntsha Ethiopia le Seba boemong jwa gago.
4E re ka o ntse o le seetlaetlana mo matlhong a me, o le tlotlego, mme ke go ratile, ke gone ke tlaa ntshang batho boemong jwa gago, le ditšhaba boemong jwa botshelo jwa gago.
5O se ka wa boifa; gonne ke na nao; ke tlaa tlisa losika lwa gago lo tswa kwa botlhabatsatsi, ke go phutha go tswa bophirimatsatsi.
6Ke tlaa raya Botsheka ke re: ‘Ntsha;’ ke raya Borwa ke re: ‘Se kganele;’ tlisang bomorwaake go tswa kgakala, le bomorwadiake go tswa sekhutlong sa lefatshe.
7E bong mongwe le mongwe yo o bidiwang ka leina la me, yo ke bileng ka mo tlholela kgalalelo ya me; nna ke mmopile; ee, nna ke mo dirile.”
8Ntshang ba ba difofu tse di nang le matlho, le ba ba bosusu ba ba nang le ditsebe.
9A merafe yotlhe e phuthwe, a ditšhaba di kokoanngwe; e mang mo go bone yo o ka bolelang golo mo, a re supetsa dilo tsa pele? A ba tlise basupi ba bone, gore ba tle ba siamisiwe; kgotsa a ba utlwe, mme a ba re: “Ke boammaaruri.”
10“Lona lo basupi ba me,” go bua Jehofa: “o bile o motlhanka wa me yo ke go itshenketseng; gore lo tle lo itse, lo ntumele, lo bo lo tlhaloganye fa ke le ene; e rile pele ga me ga bo go sa bopiwa modimo ope, le gone ga go ketla go nna ope morago ga me.
11Nna e leng nna, ke Jehofa, mme kwa ntle ga me ga go na mmoloki ope.
12Ke kakantse, ke bolokile, ke supile, mme go ne go se na modimo ope wa seeng mo go lona: ke gone lo leng basupi ba me,” go bua Jehofa, “mme ke nna Modimo.
13Ee, e sa le ka go nna motshegare ke ntse ke le one; mme ga go na ope yo o ka gololang mo seatleng sa me; ke tlaa nna ke dira fela, mme e mang yo o tlaa kgoreletsang?”
14Go bua jaana, Jehofa, morekolodi wa lona, Moitshepi wa Iseraele; a re: “Ke romile kwa Babilone ka ntlha ya lona, mme ke tlaa ba folosa botlhe fela jaaka bafaladi, e bong Bakalatea ba le mo dikepeng tsa bone tse ba di itumelelang.
15Ke nna Jehofa Moitshepi wa lona, Motlhodi wa Iseraele, Kgosi ya lona.”
16Go bua Jehofa yo o dirang mmila mo lewatleng, le tsela mo metsing a a bokete jo bo thata;
17yo o bolotsang kara ya tlhabano le pitse, ntwa le nonofo; ba lalaana mmogo, ga ba ketla ba tsoga, ba figitlhegetse, ba timile jaaka lodi:
18“Lo se ka lwa gakologelwa dilo tsa pele, le gone lo se ka lwa akanya dilo tsa bogologolo.
19Bonang, ke tlaa dira sengwe se seša; se tlaa runya jaana jaana; a ga lo ketla lo se itse? ke tlaa dira tsela fela mo nageng, le dinoka mo sekakeng.
20Ditshedi tsa naga di tlaa ntlotla, diphokoje le bontšhe; gonne ke baya metsi mo nageng, le dinoka mo sekakeng go tla ke nosa batho ba me, baitshenkedwi ba me:
21E bong batho ba ke ba ipopetseng, gore ba tle ba ranole pako ya me.”
22“Le fa go ntse jalo ga o a mpitsa, wena Jakobe; mme o lapisitswe ke nna, wena Iseraele.
23Ga o a nteretse dikwanyana tsa ditshupelo tsa gago tsa phiso; le gone ga o a ntlotla ka ditlhabelo tsa gago. Nna, ga ke a go kgwelea ka ditshupelo, le gone ga ke a go lapisa ka maswalo.
24Wena ga o a nthekela ntšhe ka madi, le gone ga o a nnyamuka ka mafura a ditlhabelo tsa gago: o nkimedisitse ka maleo a gago, o ntapisitse ka maikepo a gago.
25Ke nna, e leng nna, yo ke phimolang ditlolo tsa gago ka ntlha ya me; le maleo a gago ga nketla ke a gakologelwa.
26O tle o nkgakolole; a re rapelane; ranola kgang ya gago, gore o tle o siamisiwe.
27Rraago wa ntlha o ne a leofa, le baphuthololedi ba gago ba tlodile fa pele ga me.
28Ke gone ka moo ke tlaa tlhapatsang dikgosana tsa felo ga boitshepo, ke tlaa dira Jakobe seneelelwa, le Iseraele kgobo.