Tswana 1992 Bible - 28 verses
1“Le fa go ntse jalo, utlwa jaana, wena Jakobe motlhanka wa me; le Iseraele yo ke go itshenketseng;
2go bua jaana, Jehofa yo o go dirileng, a go bopa o sa le mo sebopelong, yo o tlaa go thusang, a re: Se boife wena Jakobe, motlhanka wa me; le wena Ješurune yo ke go itshenketseng.
3Gonne ke tlaa tshela metsi mo go ene yo o nyorilweng, le dinokana mo lefatsheng le le omeletseng; losika lwa gago ke tlaa lo tshela mowa wa me, le matlhogela a gago tshegofatso ya me.
4Ba tlaa tlhoga mo bojangnyeng jaaka medibonoka fa meelong ya metsi.
5Mongwe o tlaa re: ‘Nna, ke wa ga Jehofa;’ le yo mongwe o tlaa ipitsa ka leina la ga Jakobe; mme yo mongwe o tlaa ikwalela Jehofa ka seatla sa gagwe; yo mongwe o tlaa itheta ka leina la Iseraele.”
6Go bua jaana Jehofa, Kgosi ya Iseraele le morekolodi wa gagwe, Jehofa wa masomosomo a re: “Ke nna wa ntlha, ke bile ke wa bofelo, mme kwa ntle ga me ga go na Modimo ope.
7E mang jaaka nna, yo o tlaa bitsang, a ba a se bolela, a se nthulaganyetsa, ka e le nna ke baakantseng batho ba bogologolo? Le dilo tse di tlang, le tse di tlaa diralang, a ba di bolele.
8Se boifeng, le gone lo se ka lwa tshoga; a ga ke a go bolelela bogologolo, ka ba ka se supa? Mme le lona lo basupi ba me. A go na le modimo mongwe kwa ntle ga me? Ee, ga go na Lefika lepe. Nna, ga ke itse lepe.”
9Ba ba betlang setshwantsho se se setwang ba boithamako botlhe fela; dilo tse di eletsegang tsa bone, ga di ketla di thusa sepe; le ba e leng basupi ba bone ga ba bone sepe, le gone ga ba itse, gore ba tle ba tlhajwe ke ditlhong.
10Mang yo o betlileng modimo, kgotsa a tshela setshwantsho se se setwang se se nang le thuso nngwe?
11Bonang, bankana ba gagwe ba tlaa tlhajwa ke ditlhong; mme badiri ke batho fela; a ba phuthwe mmogo, a ba eme ka dinao; ba tlaa boifa, ba tlhajwa ke ditlhong mmogo.
12Mothudi o a tle a thule selepe, a dire ka magala a se baakanye ka dinoto a se thule ka letsogo la gagwe le le thata; ee, a bolawe ke tlala, mme thata ya gagwe e tlhaele, a se ke a nwe metsi, mme a idibale.
13Mmetli wa dikgong o a tle a ngamole thapo, a lo rale ka lekgaba la letsoku, a lo sete ka meseto, a lo ralarale ka tshitswana ya kompase, a lo etse setshwantsho sa motho, ka fa bontleng jwa motho, gore se nne mo ntlong.
14O tle a ithemele masetara, a tseye setlhare sa motswere, kgotsa sa mooka, a ithatafaletse sengwe sa ditlhare tsa sekgwa; o a tle a tlhome setlhare sa mokoso, mme pula e se otle.
15Foo e tlaa bo e le sa motho go se fisa; a tseye ga sone a ore; ee, a se gotse molelo a bese senkgwe ka sone; ee, a se dire modimo a o obamele; a se dire setshwantsho se se setilweng, mme a wele fa pele ga sone.
16Ntlha nngwe a se fise mo molelong; a je nama ka ntlha nngwe ya sone; a bese, a kgore; ee, a ore, mme a re: “Ehe! Ke orile, ke bonye molelo.”
17Mme ka mo go setseng a dire modimo, e bong setshwantsho se se setilweng sa gagwe; a tloge a wele fa pele ga sone a se obamele, a se rapele a re: “Nkgolola tlhe, gonne o modimo wa me.”
18Ga ba itse, le gone ga ba gopole, gonne o ba buduladitse matlho, jalo ba sa kake ba bona; le dipelo tsa bone, jalo ba sa kake ba tlhaloganya.
19Mme ga go ope yo o ikgopodisang, le gone ga go na kitso le fa e le tlhaloganyo ya go re: “Ke fisitse ntlha nngwe ya sone mo molelong; ee, le gone ke besitse senkgwe mo magaleng a sone; ke besitse nama ka e ja, mme a ke tlaa tloga ke dira makgapha ka mo go setseng; a ke tlaa wela fa pele ga sesana sa setlhare?”
20O ja melora fela; pelo e e tsietsegileng e mo fapositse, mme a sa kake a golola mowa wa gagwe, le fa e le go re: “A jaana maaka ga a mo seatleng sa me se segolo?”
21“Gakologelwa dilo tse, wena Jakobe, le Iseraele, gonne o motlhanka wa me; ke go bopile, o motlhanka wa me; wena Iseraele, ga o ketla o lebalwa ke nna.
22Ke kaolotse ditlolo tsa gago jaaka leru le le kwenneng, le dibe tsa gago jaaka leru; boela mo go nna, gonne ke go rekolotse.”
23Opelang lona magodimo, gonne Jehofa o dirile; thelang lošalaba lona mafelo a kwa tlase a lefatshe; ponyegang ka sefela, lona dithaba; wena sekgwa, le setlhare sengwe le sengwe se se mo go sone; gonne Jehofa o rekolotse Jakobe, o tlaa ikgalaletsa mo go Iseraele.
24Go bua jaana Jehofa, Morekolodi wa gago, e bile ke ene yo o sa leng a go bopa mo sebopelong: “Ke nna Jehofa yo ke dirang dilo tsotlhe, yo ke phuthololang magodimo ke le nosi; yo ke ritibatsang lefatshe ke le nosi; yo ke nang nae ya bo e le mang?
25Yo ke tlhokafisang ditshupo tsa baaki, le baitseanape ke ba tsentshang; yo ke busetsang batho ba ba botlhale kwa morago, ke dira kitso ya bone boeleele fela.
26Yo ke tlhomamisang lefoko la motlhanka wa me, ke dirafatsa kgakololo ya barongwa ba me; yo ke buang ka ga Jerusalema ke re: ‘O tlaa nnwa;’ le ka ga metse ya Juta, ke re: ‘E tlaa agiwa, mme ke tlaa tsosolosa mafelo a gone a a kgakgabetseng;’
27yo ke rayang lediba le le boteng ke re: ‘Tšha, mme ke tlaa kgadisa dinoka tsa gago.’
28Yo ke buang ka ga Kurose, ke re: ‘Ke motho wa me yo o disang, mme o tlaa dirafatsa go kgatlhega ga me gotlhe fela;’ yo ke rayang Jerusalema, ke re: ‘O tlaa agiwa;’ le tempele, ke re: ‘Motheo wa gago o tlaa thaiwa.’ ”