Tswana 1992 Bible - 11 verses
1Go bua jaana Jehofa, a re: “Lo kae lokwalo lwa go tlhalwa ga mmaa lona, lo ke mo tlhadileng ka lone? Gongwe ke ofe wa ba ke tshotseng molato mo go bone yo ke lo bapaditseng mo go ene? Bonang, lo bapaditswe ka ntlha ya maikepo a lona, mme ke ka ditlolo tsa lona mmaa lona a tlhadilwe.
2Ke ka ntlha yang, nna e rile ke tla, ga bo go se na motho ope? E rile ke bitsa, ga bo go se na ope yo o arabang? A letsogo la me le ngotlafetse, mo le palelwang ke go rekolola? Gongwe a ga ke na thata ya go golola? Bonang, ka kgalemo ya me, ke kgadisa lewatle, le dinoka ke di dira naga fela; ditlhapi tsa tsone di nkge sebodu, ka go se na metsi, di swa ka lenyora.
3Ke apesa magodimo mafifififi, ke dira letsela la kgetse go nna sebipo sa one.”
4Morena Modimo o nneile loleme lwa ba ba rutegileng, gore ke tle ke itse go kamatlela ka puo ene yo o lapileng; o tlaa a ntsose ka moso moso, a tsosetse tsebe ya me go utlwa jaaka ba ba rutegileng.
5Morena Modimo o nkabolotse tsebe, mme ga ke a ka ka dira setloontheng le fa e le go ithuhulela kwa morago.
6Baditei ka ba neela motlhana wa me, le marama a me ka a neela ba ba khumolang ditedu; sefatlhogo sa me ga ke a ka ka se subela ditlhong le kgwelo ya mathe.
7Gonne Morena Modimo o tlaa nthusa; ke gone ka fa ke sa sosobaganang ka teng; ke gone ke beileng sefatlhogo sa me jaaka legakwa fela, mme ke a itse fa ke se ketla ke tlhajwa ke ditlhong.
8O gaufi yo o ntshiamisang; yo o tlaa ganelang le nna emang? A re emeng mmogo; moganetsi wa me emang? A a nkatamele.
9Bonang, Morena Modimo o tlaa nthusa; emang yo o tlaa ntshekisang? Bonang, bone ba tlaa onala botlhe jaaka seaparo; motoutwana o tlaa ba jela ruri.
10Emang mo go lona yo o boifang Jehofa, yo o akelang lentswe la motlhanka wa gagwe, yo o tsamayang mo lefifing, mme a se na lesedi? A a ikanye mo ineng la ga Jehofa, a ikaege Modimo wa gagwe.
11Bonang, lona lotlhe ba lo gotsang molelo, ba lo itlamang ka ditime; tsamayang mo kgabong ya molelo wa lona le mo dirumoleng tse lo di tshubileng. Go mo, lo tlaa go bona mo seatleng sa me; gore lo tlaa robalela mo bohutsaneng.