Tswana 1992 Bible - 23 verses
1âNtheetsang, lona ba lo latelang tshiamo, ba lo batlang Jehofa; lebang lefika le lo tswang go dibololwa mo go lone, le kunyane ya kgatampi e lo tswang go gabodukwa mo go yone.
2Lebang kwa go Aberahame rraeno, le kwa go Sara yo o lo belegeng; gonne o rile a sa ntse a le mongwe fela, ka mmitsa, mme ka mo segofatsa, ka mo dira ba le bantsi.
3Gonne Jehofa o gomoditse Sione; o gomoditse mafelo a gagwe otlhe a a kgakgabetseng, o dirile naga ya gagwe go nna jaaka Etene, le sekaka sa gagwe jaaka tshimo ya ga Jehofa; boipelo bo tlaa bonwa gone le boitumelo, tebogo le lentswe la kotiketso.
4Ntlhokomelang, lona batho ba me; lo ntshekegele tsebe, lona morafe wa me; gonne molao o tlaa tswa mo go nna, ke tlaa dira katlholo ya me go nna semela, gore e nne lesedi la ditšhaba.
5Tshiamo ya me e gaufi, poloka ya me e tswetse kwa ntle, le mabogo a me a tlaa atlhola mo ditšhabeng; ditlhake di tlaa ntebelela, di tlaa ikanya letsogo la me.
6Tsholeletsang matlho a lona kwa magodimong, lo bo lo lebe lefatshe kwa tlase; gonne magodimo a tlaa kaologa jaaka mosi, lefatshe le lone le tlaa onala jaaka seaparo, le ba ba agileng mo go lone ba tlaa swa fela jalo: mme poloka ya me e tlaa nna ka bosakhutleng, le tshiamo ya me ga e ketla e khutlisiwa.
7âNtheetsang lona ba lo itseng tshiamo, lona batho ba molao wa me o leng mo pelong tsa lona; lo se ka lwa boifa kgobo ya batho, le gone lo se ka lwa tsielwa ka dikgobololo tsa bone.
8Gonne motoutwana o tlaa ba ja jaaka seaparo, le tshwele e tlaa ba ja jaaka bobowa jwa nku; mme tshiamo ya me e tlaa nna ka bosakhutleng, le poloka ya me mo tshikatshikeng.â
9Kubuga, kubuga, o apare nonofo, wena letsogo la ga Jehofa; kubuga jaaka mo metlheng ya bogologolo, jaaka mo ditshikeng tsa bogologolo tala. A ga se wena yo o kileng wa remaganya Rahabe, wa tlhaba kgogela?
10A ga se wena yo o kileng wa kgadisa lewatle, metsi a bodiba jo bo boteng jo bogolo; wa dira mateng a lewatle go nna tsela e barekolodwi ba kgabaganyang ka yone?
11Barekolodwi ba ga Jehofa ba tlaa bowa, ba tlaa tla mo Sione ka kopelo; mme go ipela mo go sa khutleng go tlaa nna mo ditlhogong tsa bone; ba tlaa ja boitumelo le boipelo, mme bohutsana le phegelo di tlaa tshabela koo.
12âKe Nna, e leng Nna, yo ke go gomotsang; wena o mang fa e bo ne ne jaana o boifa motho yo o tlaa swang, le morwa motho yo o tlaa ediwang bojang?
13Mme o lebetse Jehofa Modiri wa gago, yo o phutholotseng magodimo, a thaya metheo ya lefatshe; mme o tlhola letsatsi lotlhe o tshaba tšarologo ya mopatiki, mogang o ipaakanyetsang go senya? Tšarologo ya mopatiki ya bo e le kae?
14Mofaladi yo o tshwerweng o tlaa akofa a gololwa; ga a ketla a a swa a fologela mo moleteng, le gone dijo tsa gagwe ga di ketla di tlhaela.
15Gonne nna, ke Jehofa, Modimo wa gago, yo ke fuduang lewatle, makhubu a lone a ba a tle a sume; Jehofa wa masomosomo ke leina la gagwe.
16Ke tsentse mafoko a me mo molomong wa gago, ke go bipile mo moriting wa seatla sa me, gore ke tle ke tlhome magodimo, ke theye metheo ya lefatshe, ke be ke itse go raya Sione, ke re: âO batho ba me.â â
17Kubuga, kubuga, o eme ka dinao, wena Jerusalema, yo o noleng mo seatleng sa ga Jehofa, phafana ya tšarologo ya gagwe. O nole mogotšana wa senwelo sa kgokgweetsego, wa o minolosa.
18Mo baneng ba gagwe ba basimane botlhe, ba o ba tsetseng, ga go na ope yo o ka mo gogang; le gone ga go na ope yo o mo tshwarang ka seatla mo baneng ba basimane botlhe ba o ba otlileng.
19Dilo tse pedi di go wetse; ana o tlaa hutsafalelwa emang? e bong tshwafalo le tshenyego le leuba le tšhaka; ana ke tlaa go gomotsa jang?
20Bomorwao ba idibetse; ba rapame kwa dipaeng tsa mebila yotlhe jaaka phologolo mo lotloeng; ba kgotshe tšarologo ya ga Jehofa, kgalemo ya Modimo wa gago.
21Ke gone, utlwa se jaana wena mmogisiwa, motagwa, mme e seng ka bojalwa jwa mofine.
22Go bua jaana Morena wa gago, Jehofa Modimo wa gago yo o emelang kgang ya batho ba gagwe, a re: âBona, phafana ya kgokgweetsego ke e tlositse mo seatleng sa gago, e bong mogotÅ¡ana wa senwelo sa tsarologo ya me; ga o ketla o tlhola o ba o o nwa.
23Ke tlaa o tsenya mo seatleng sa ba ba go patikang; ba ba reileng mowa wa gago ba re: âInama gore re go sobotle!â Mme o beile mokotla wa gago jaaka fa go le fa fatshe, le jaaka mmila wa beela ba ba go sobotlang.â